Share to:

Draft 3

Se ke se tshwantsho sa notshe

Dinotshi ke ditsenyi tse dinnye tse di fofang tse di leng mo setlhopheng sa ditshedi tse di bidiwang dikokonyana. Borasaense ba dumela gore dinotshi di simologile dimilione tsotlhe tsa dingwaga tse di fetileng, di tswa mo ditsheding tse di tshwanang le dinotshi tsa motlhware(wasp). Gompieno dinotshi di bonwa mo lefatsheng lotlhe ntle mo mafelong a a tsididi thata jaaka Antarctica.[1] Gantsi di nna mmogo mo setlhopheng se se bidiwang kolone mo ditshitshing, mo ditlharengkgotsa mo mesimeng ya mo lefatsheng.

Dinotshi di dira tswina ka go kokoanya lero la dithunya(nectar).[2] Dinotshi tsa badiri di dirisa leleme la tsone le le leele go monya lero mo dithunyeng mme di le boloka mo mpeng e e kgethegileng e e bidiwang "mpa ya tswina". Fa di boela mo metshitshing di fetisetsa lero leo mo dinotshing tse dingwetse di le tlhafunyang mme di kopanye le diensaeme. Morago ga moo ditsenya lero leo mo diseleng tsa khekhe ya tswina(honeycomb) mme di le fefofa ka diphuka go fokotsa metsi go fitlha e nna tswina.

Dinotshi di rata mafelo a a nang le dithunya tse dintsi ka gonne dithunya di di naya dijo tsa tsone tse dikgolo e leng matute le mmudula. Di gogwa ke mebala e e phatsimang jaaka serolwane, botala jwa loapi le pherese. Dinotshi di rata gape maemo a a mogote le a letsatsi le mafelo a a sireletsegileng go aga metshitshing ya yone.[3]Fa di etela dithunya go kokoanya matute di thusa dimela go gola ka go fetisa mmudula go tswa mo dithunyeng tse dingwe go ya go tse dingwe.[4]

Tshupetso

  1. Puttergill, Eve (2019-01-14). "A honey bees history and origins". The Bee Effect (in American English). Retrieved 2026-03-08.
  2. "How Do Bees Make Honey | Browning's Honey". browningshoney.com (in American English). 2023-09-11. Retrieved 2026-03-08.
  3. "Best Flower Colors to Attract Bees". Nature Hills Nursery (in Sekgoa). 2026-02-14. Retrieved 2026-03-08.
  4. "Honey Bee Facts & Information | Orkin". www.orkin.com (in Sekgoa). Retrieved 2026-03-08.

Content Disclaimer

Informasi ini disarikan dari Wikipedia dan disajikan kembali untuk tujuan edukasi. Konten tersedia di bawah lisensi CC BY-SA 3.0. Kami tidak bertanggung jawab atas ketidakakuratan data yang bersumber dari kontribusi publik tersebut.

  1. The information displayed on this website is sourced in part or in whole from Wikipedia and has been adapted for the purpose of restating it. We strive to provide accurate and relevant information, however:
  2. There is no guarantee of absolute accuracy. Wikipedia is an open, collaborative project that can be edited by anyone, so information is subject to change.
  3. It is not intended to constitute professional advice. The content displayed is for informational and educational purposes only. For important decisions (e.g., medical, legal, or financial), please consult a professional.
  4. Content copyright. Wikipedia is licensed under the Creative Commons Attribution-ShareAlike License (CC BY-SA). This means that content may be reused with appropriate attribution and shared under a similar license.
  5. Responsible use. Any risk arising from the use of information from this website is entirely the responsibility of the user.
Prefix: a b c d e f g h i j k l m n o p q r s t u v w x y z 0 1 2 3 4 5 6 7 8 9

Portal di Ensiklopedia Dunia

Kembali kehalaman sebelumnya