Share to:

Draft 4

Se ke setshwantsho sa kgetsana.

Kgetsana ke mokotlana o monnye o batho ba o tshwarang ka seatla kgotsa ba o rwala mo legetleng go tsenya dilo tsa bona tsa botho.[1] Gantsi kgetsana e dirwa ka ditsela tse di farologaneng tse di akaratseng go rala sebopego sa yone, go sega didiriswa, go roka le go e fetsa. Sa ntlha , badiri kgorsa baetsi ba rala mokgwa le sebopego sa mokotlana. Morago ga moo ba sega didiriswaka dipaterine tse di rileng. Dikarolo tseo di rokiwa tsotlhe ka kgwele e e nonofileng, mme dilo tse dingwe jaaka zipi, dikonopo kgotsa mekgweleo ya go e rwala di tsenngwa.Kwa bofelong kgetsana e a tlhatlhobiwa go bona gore e dirilwe sentle pele e ka rekisiwa.[2]

Kgetsana e ka dirwa ka didiriswa tse di farologaneng . Didiriswa tse di tlwaelegileng di akaretsa letlalo, letlalo la maitirelo, letsela(canvas), lesela la letseta (cotton) kgotsa naelone(nylon). Kgetsana ya letlalo e ratwa thata ka gone e thata mme e lebega sentle. Mekotlana ya lesela kgotsa letsela(canvas) yone e bobebe mme gantsi le a reka ka theko e e kwa tlase. Mekotlana e mengwe gape e nna le dikarolo tsa tshipi jaaka dibekete(buckles), diketane le dizip go dira gore e nne thata le go khatlha bareki.[3]

Batho ba dirisa kgetsana go rwala dilo tsa letsatsi le letsatsi jaaka walete(wallet), founu, dinotlolo, meikapo(makeup)e dilo tse dingwe tsa botho. Mekotlana eno e ratwa thata ke basadi ka gonne e kopanya feshene le tiriso. Le fa go ntse jalo, banna bangwe le bone ba dirisa mekgwa e mengwe ya mekotlana jaaka kgetsna ya morongwa kgotsa mekotlana e mennye ya go rwala dilo. Basha gantsi ba rata mekotlana e mebalabala kgotsa e e latelanang e feshene, fa batho ba ba dirang mo dikantorong bone ba rata mekotlana e e bonolo le e e bonalang e le ya setso. Ka kakaretso, kgetsana e thusa batho go rulaganya dilo tsa bona sadi le go bontsha setaele sa bone.[4]

Tshupetso

  1. "Definition of HANDBAG". www.merriam-webster.com (in Sekgoa). 2026-03-02. Retrieved 2026-03-08.
  2. Sewneedle, Sammy (2024-02-20). "Making Sewing Patterns for Bags: A Step by Step Guide". Fieldtex Sewing Blog (in American English). Retrieved 2026-03-08.
  3. admin. "A Guide to Making Your Own Leather Bag". Craftsman Ave (in American English). Retrieved 2026-03-08.
  4. Stroitelev, Sergey (2016-07-15). "Photos of the Fascinating Things Women Keep in Their Bags". VICE (in American English). Retrieved 2026-03-08.

Content Disclaimer

Informasi ini disarikan dari Wikipedia dan disajikan kembali untuk tujuan edukasi. Konten tersedia di bawah lisensi CC BY-SA 3.0. Kami tidak bertanggung jawab atas ketidakakuratan data yang bersumber dari kontribusi publik tersebut.

  1. The information displayed on this website is sourced in part or in whole from Wikipedia and has been adapted for the purpose of restating it. We strive to provide accurate and relevant information, however:
  2. There is no guarantee of absolute accuracy. Wikipedia is an open, collaborative project that can be edited by anyone, so information is subject to change.
  3. It is not intended to constitute professional advice. The content displayed is for informational and educational purposes only. For important decisions (e.g., medical, legal, or financial), please consult a professional.
  4. Content copyright. Wikipedia is licensed under the Creative Commons Attribution-ShareAlike License (CC BY-SA). This means that content may be reused with appropriate attribution and shared under a similar license.
  5. Responsible use. Any risk arising from the use of information from this website is entirely the responsibility of the user.
Prefix: a b c d e f g h i j k l m n o p q r s t u v w x y z 0 1 2 3 4 5 6 7 8 9

Portal di Ensiklopedia Dunia

Kembali kehalaman sebelumnya