Jim Ninowski

James Ninowski, Jr. (o tshotswe ka Mopitlo a le masome a mabedi le borataro, 1936), yo o bitswang "Nino", ke motshameki wa pele wa quarterback wa kgwele ya seAmerika (college football) mo National Football League (NFL) a tshamekela Cleveland Browns, Detroit Lions, Washington Redskins le New Orleans Saints.[1] O tshamekile kgwele ya mmadikole (college football) kwa Michigan State University mme o ne a tlhophiwa (drafted) mo legatong la bone la 1958 NFL Draft.
Dingwaga tsa pele
O ne a kgaoganya ditiro tsa gagwe tsa quarterback kwa Michigan State ka 1956 ebile gape e le quarterback e e simololang ka 1957 mo ditlhopheng tse di neng di beile thata mo tshamekong ya go taboga gona le ya go fetisa kgwele.[2] Ka 1957 Spartans e ne ya fetsa e le mo maemong a boraro mo tlhophong ya Associated Press fa morago ga #1 Auburn le mogaisanyi ba ditshimega tsa Big Ten Conference Ohio State.[3]
Ninowski o ne a tlhophiwa e le mokapoteni wa tlhaselo ya setlhopha sa bokone ka motshameko wa letsatsi la botsalo jwa morena wa North-South Shrine Game e tshamekelwa kwa Orange Bowl[4] kwa Miami. O ne a tlhophiwa e le motshameki wa tlhwatlhwa wa setlhopha sa bokone mo motshamekong o o, o o fentsweng ke North ka 23-20, fa a fetisa ditlhago mo dikgatong di le 295 le touchdown e le nngwe.[5]
Tsa tiro
Cleveland Browns
Ninowski o ne a tlhophiwa ke Cleveland Browns mo legatong la bone mo 1958 NFL Draft. A tshameka mo 1958 Senior Bowl a tshamekela setlhopha sa North, o ne a mekamekana le mokatisi mogolo wa gagwe wa isago Paul Brown yo o neng a katisa setlhopha sa South. Ninowski a fetisa touchdown mo karolong ya bone a e isa kwa motlhophiweng ka ene wa Browns Jim Gibbons (legato la botlhano) go dira touchdown e e neng ya fenya motshameko fa North e fenya ka 15-13.[6]
Pele ga a ya kwa Browns kwa motshamekong wa bone wa ditshupo wa 1958, Ninowski o ne e le quarterback ya College All-Stars go fenya 35-19 kgatlhanong le ditshimega tsa NFL Detroit Lions mo motshamekong wa College All-Star Game ka Phatwe a le lesome le botlhano. O ne a golagana le motlhophiwa ka ene wa Browns le Hall-of-Famer wa isago Bobby Mitchell go dira ditlhago tsa touchdown di le 84 le dikgato tse lesome le boferabobedi. Batshameki ba ba ne ba bidiwa batshameki ba tlhwatlhwa mo motshamekong o o, Ninowski a baya rekote ya All-Star ya go fetisa ditlhago tse lesome le bone go difeleletsa mo ditekong tse masome a mabedi le dikgato tsa go fetisa ditlhago tse 244.[7]
Ninowski o ne a le mo setlhopheng sa di quarterback sa Browns se se neng se akaretsa Milt Plum, John Borton le Bobby Freeman ba gaisanela tiro ya go simolola mo phatlheng e e neng e togetswe fa 1957 ke mosimolodi, Tommy O'Connell, a ntshiwa pele ga go bulwa kampa ya ikatiso. Paul Brown o ne a tlhopha Plum e le mosimolodi fa Ninowski a bona tiro ya go nna yo o mo tlhatlhamang ka ditlha tsa 1958 le 1959, a simolola motshameko o le mongwe fela, tatlhegelo ya magare ga setlha sa 1958 kgatlhanong le Lions.
Metswedi
- ↑ Jim Ninowski NFL Football Statistics. [1] Pro Football Reference. Retrieved 22/10/2023.
- ↑ Jim Ninowski College Stats. [2] Sports Reference. Retrieved 22/10/2023.
- ↑ 1957 College Football Polls. [3] Sports Reference. Retrieved 22/10/2023.
- ↑ North Stars Set Defense for Running. Retrieved 22/10/2023.
- ↑ Ninowski Arm Wins for North. Retrieved 22/10/2023.
- ↑ North's Seniors Triumph. Retrieved 22/10/2023.
- ↑ College All-Stars Rout Lions, 35-19. Retrieved 22/10/2023.
Content Disclaimer
Informasi ini disarikan dari Wikipedia dan disajikan kembali untuk tujuan edukasi. Konten tersedia di bawah lisensi CC BY-SA 3.0. Kami tidak bertanggung jawab atas ketidakakuratan data yang bersumber dari kontribusi publik tersebut.
- The information displayed on this website is sourced in part or in whole from Wikipedia and has been adapted for the purpose of restating it. We strive to provide accurate and relevant information, however:
- There is no guarantee of absolute accuracy. Wikipedia is an open, collaborative project that can be edited by anyone, so information is subject to change.
- It is not intended to constitute professional advice. The content displayed is for informational and educational purposes only. For important decisions (e.g., medical, legal, or financial), please consult a professional.
- Content copyright. Wikipedia is licensed under the Creative Commons Attribution-ShareAlike License (CC BY-SA). This means that content may be reused with appropriate attribution and shared under a similar license.
- Responsible use. Any risk arising from the use of information from this website is entirely the responsibility of the user.









