Share to:

Khuli Chana

Khulane Morule (o tshotswe ka Phatwe a le masome mabedi le bosupa, 1982), yo o itsegeng thata ka leina la gagwe la serala Khuli Chana, ke moopedi wa mmino wa Motswako wa Aforika Borwa.

Ka ngwaga wa 2014, o ne a golola pina ya gagwe e e bidiwang Hape Le Hape 2.1 e e neng e na le Da L.E.S le Magesh. Ka Lwetse wa ngwaga, o ne a golola bidio ya pina e le nngwe e e bidiwang Never Grow Up.

Botshelo le tiro ya gagwe ya bogologolo

Morule o tsholetswe kwa Mmabatho, kwa Kgaolong ya Bokone Bophirima mme a simolola go repa motswako a sa le monnye.[1] E ne e le leloko la setlhopha sa mmino wa repe se se bidiwang Morafe.[2] O ne a tswelela go tsamaya a le esi, morago ga gore setlhopha sa rap se ikhutse go golola mmino e le seopo se le sengwe.[3]

Khuli Chana o ne a itsege thata morago ga go golola alebamo ya gagwe e kgolo e e atlegileng ya Motswakoriginator, e e tsenyang dipuo tsa Setswana le tsa Seesemane. Motswako ke bokopano jwa dipuo tseno ka bobedi mme modumo le setaele sa mmino o simolotse kwa Mahikeng, e leng toropo e nnye kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima.

Ka 2014, Chana o ne a tlhophiwa go nna Motaki yo o Botlhokwa go gaisa botlhe le Bidio ya Ngwaga kwa Dietseleng tsa Hip Hop tsa Aforika Borwa tsa 2014.[4]

O kile a kopanela serala le moopedi wa Canada ebong Drake, e le ene a simololang.[5]

Khuli Chana o ne a dirisana le letshwaokgwebo la vodka la Absolut jaaka mongwe wa baemedi ba bona mo mmarakeng wa Aforika Borwa.[6]

Khuli Chana o ne a batla a bolawa fa maloko a sepodisi sa Aforika Borwa a ne a mo tsaya ka phoso e le sekebekwa mme a tswelela go thuntsha dikolo di le borobabongwe mo koloing ya gagwe.[7][8]

Botshelo jwa gagwe

Ka ngwaga wa 2013, Khuli o ne a thuntshiwa ke mapodisi fa a le mo koloing ya gagwe ka ntlha ya go sa itse gore ke mang. Se e ne e le tshenyo e kgolo mo leineng le mo tirong ya gagwe ka go ne go na le diphopholetso ka tiragalo eo. O ne a fola ka botlalo, a phimola leina la gagwe, a rarabolola kwa ntle ga kgotlatshekelo ka R1.8 milione.[9] Khuli Chana o nyetse DJ le motho yo o tumileng mo thelebisheneng e bong Lamiez Holworthy ka 2019.[10]

Diletso

Dialebamo tsa setudio

Metswedi

  1. "Khuli Chana Archives". Trace TV. Archived from the original on 11 August 2022. Retrieved 27 January 2016.
  2. KHULI CHANA". News 24
  3. "Khuli Chana talks about his creative revolution". IOL SA
  4. The Journalist. "SA Hip Hop Awards nominees 2014"
  5. Marshall, Rhode. "Khuli Chana: The MotswakOriginator". Mail & Guardian. Retrieved 15 March 2019
  6. "CREATIVITY AWARDS FINALISTS". Ad Age
  7. "Rapper Khuli Chana mistakenly shot by police in South Africa". The South African. Retrieved 15 July 2018
  8. "Khuli Chana settles with police over shooting". ENCA. Retrieved 15 July 2018
  9. "SAPS must pay star R1.8m over shooting". www.iol.co.za. Retrieved 2 June 2016
  10. "'Khuli living it up with new bae'". dailysun.co.za. Retrieved 9 April 2019

Content Disclaimer

Informasi ini disarikan dari Wikipedia dan disajikan kembali untuk tujuan edukasi. Konten tersedia di bawah lisensi CC BY-SA 3.0. Kami tidak bertanggung jawab atas ketidakakuratan data yang bersumber dari kontribusi publik tersebut.

  1. The information displayed on this website is sourced in part or in whole from Wikipedia and has been adapted for the purpose of restating it. We strive to provide accurate and relevant information, however:
  2. There is no guarantee of absolute accuracy. Wikipedia is an open, collaborative project that can be edited by anyone, so information is subject to change.
  3. It is not intended to constitute professional advice. The content displayed is for informational and educational purposes only. For important decisions (e.g., medical, legal, or financial), please consult a professional.
  4. Content copyright. Wikipedia is licensed under the Creative Commons Attribution-ShareAlike License (CC BY-SA). This means that content may be reused with appropriate attribution and shared under a similar license.
  5. Responsible use. Any risk arising from the use of information from this website is entirely the responsibility of the user.
Prefix: a b c d e f g h i j k l m n o p q r s t u v w x y z 0 1 2 3 4 5 6 7 8 9

Portal di Ensiklopedia Dunia

Kembali kehalaman sebelumnya