Shoshong
Shoshong | |
|---|---|
| Coordinates: 23°02′S 26°31′E / 23.033°S 26.517°ECoordinates: 23°02′S 26°31′E / 23.033°S 26.517°E | |
| Country | |
| District | Bamangwato |
| Palo batho (Census 2011) | |
| • Total | 9,678 |
| Time zone | UTC+2 (Central Africa Time) |
| • Summer (DST) | UTC+2 (not observed) |
| ISO 3166 code | BW-CE |
| Climate | BSh |
Shoshong ke motse yo o bonwang mo lefatsheng la Botswana, ke motse wa pele wa bangwato Bamangwato.[1]
Fa motse yo o bongwang teng
Shoshong o bonwa fagare ga latitude-22.95, longitude-26.48 mo kgaolong ya legare, dikilometara dile makgolo a mararo le masome a mabedi ale kwa bokoni jwa bokoni botlhaba jwa toropo ya Mafikeng a le dikilometara dile masome a mane le bofera bobedi jwa seporo se se gokaganyang toropo ya Kapa(Cape Town) le ya Bulawayo. Go ya ko motseng yo o tsamaya dikilometara dile masome a mane o ya kwa Bophirima gotswa mo motseng wa Mahalapye. Motse yo o kanna dikgato dile dikete tse tharo(3 000ft) kgotsa di metara dile makgolo a ferang bongwe le lesome(910 m) kwa godimo ga lewatle mo mokgatŠheng wa shoshong (shoshong valley) yo o tshwaraganyeng le noka ya Limpopo.[1]Metse e e bapileng le motse wa Shoshong ke Tobela, Ikongwe, Kalamare, Mmutlane le Mosolotshane.[2]
O tlhalosiwa fa ele motse yo o mogote gape o nale mantswe a mantsi. O kgona go nna le dipula tse di tona ka paka ya selemo, mo motseng yo go nna gole diphefo bontsi jwa nako. O ageletswe ke dithaba tse dintsi tse dikgomo di fulang mogo tsone.[3]
Ditso
Motse yo o simologile e le wa morafe wa baphaleng[4], ba e rileng morago ba fithlelwa ke Bangwato ba bane ba le ka fa tlase ga taolo ya ga kgosi Sekgoma wa ntlha (Sekgoma I) ka dingwaga tsa bo 1850. Go ya ka beng ba motse kgosi ya baphaleng e tsere bangwato gotswa ko Mosu ko baneng ba tshwengwa le go tlhaselwa kgapetsa bogolo jang ke Morafe wa Batebele.[1] motse yo fa o leng teng gone go tlhophilwe ka gone go le motlhofo go itshireletsa kgatlhanong le morafe wa Matebele.
Ka e le lefelo la kopano ya ditsela tsa kgwebo go tswa kwa borwa le kwa bokone e ne e le botlhokwa thata mo batlhotlhomisi ba ntlha (go akaretsa le David Livingstone) le bagwebi kwa Borwa-Bogare jwa Aforika .[1]
Seteišene sa borongwa sa Mokgatlho wa Barongwa wa London (se se neng sa etelwa pele ka dingwaga di le dintsi ke seteišene sa Mokgatlho wa Barongwa wa Lutere wa Hermannsburg) se ne sa tlhongwa fano ka 1862.[1]Morongwa wa Scotland John Mackenzie (1835–99), yo o neng a nna kwa Shoshong go simolola ka ngwaga wa 1862 go fitlhelela ka ngwaga wa 1876, "o ne a dumela gore Ba-Ngwato le batho ba bangwe ba Aforika ba a neng a dira le bone ba ne ba tshosediwa ke di bootara tsa Maburu tse di neng di tsenelela mo kgaolong ya bone go tswa kwa borwa", mme o ne a dira letsholo la go dira gore "ba-Bechuanaland ba nne le e ne e busa ka tlhamalalo go tswa kwa Boritane."[5]
Ka ngwaga wa 1875, Kgosi Sekgoma o ne a menolwa fano ke morwawe wa Mokeresete e bong Khama (yo moragonyana a bidiwang Khama III kgotsa Khama yo Mogolo). Ka ngwaga wa 1885 (ka nako ya go itsisiwe ga tshireletso ya Borithane ya Bechuanaland) Shoshong e ne e na le banni ba le 20,000 go ya go 30,000, go akaretsa le Bayuropa ba ka nna masome a mabedi.[1]
Phudugo goya ko Palapye

Ka ngwaga wa 1880 motse o o setse o nale dingwaga tse masome a mane o le teng e bile ele motse o o godileng, se ene ele remote ya motse wa setswana go nna lebaka, mme gone ga simolola go nna sekaka le tlhaelo ya metsi, motse one o bona metsi mo motsweding ole mongwafela leswe le lone lene le setse le le lentsi. Ka lebaka la tlhaelo ya metsi khama le batho ba gagwe bane ba fudugela kwa motseng wa phalatswe/phalapye motse yo o dikilometara tse di bofera-bobedi kwa bokoni botlhaba jwa motse wa shoshong magare ga dingwaga tsa 1888 le 1889 kwa e rileng morago ba bo ba fetela kwa motseng wa serowe yo oleng kwa bokoni Bophirima jwa phalapye[1]. Fela jaaka shoshong metse e le yone ene e agilwe mo mekgatŠheng ee tsamaelang kwa Limpopo.[1] Gore Khama a kgone go fuduga mo lefelong le le neng le sireletsegile one a itshwaragantse le baga mma mosadinyana ba ba neng ba ipaakanyetsa go tsaya lefatshe la mashona le matebele.[6]
Ka ngwaga wa 1898,tlhaelo ya metsi e ne ya nna teng mme khama one a busetsa bangwe ba batho ba gagwe kwa shoshong. Baphaleng ba boile ka ngwaga wa 1900 bakaa bone ba boile ka ngwaga wa 1902, motse mogolo one wa fudusediwa kwa Serowe. Fa go ntshiwa buka ya kitso e eneng ya bidiwa Encyclopædia Britannica ka ngwaga wa 1911 palo ya batho mo motseng wa shoshong ene e le makgolo a herang bobedi.[1]
Shoshong mo bogampienong
Goya ka palo ya batho ya ngwaga wa 2001 palo ya batho mo Shoshong le metse ee mabapi e ne e tsamaya kwa go diketse di lesome le motso lekgolo le masome a supa le borataro, fa ba ba mo shoshong bale dikete dile supa makgolo ale mane le masome a ferang bongwe.[7][8]Go ya ka Palo ya Batho le Matlo ya Botswana ya 2022, Dipholo tsa ntlha bolumo 2, Shoshong e kwadisitse phokotsego ya kgolo ya baagi ka 0.9%. Motse o o na le sekolo se se nang le marobalo, ka jalo phokotsego e ka lebisiwa mo go reng baithuti ba ne ba balelwa kwa lefelong la bone le le tlwaelegileng le fa ba ne ba seyo ka nako ya go balwa. Ga jaana, Shoshong e na le baagi ba le 8,827 fa e bapisiwa le 9,678 ya 2011.[9]
E rile ka ngwaga wa 2012, tshwetso ya ga Kgosi Sediegeng Kgamane ya go baya ngwana wa gagwe kgosi e ne ya tsosa dikganetsano. Kgamane o tlhalosiwa e le "mongwato yo o tlhageletseng wa segosi le malome wa ga tautona Ian Khama."[10]
Go ya ka hisitori bogosi jwa ga Shoshong bo ne bo tshwerwe ke merafe e meraro go tswa kwa dikgaolong tse tharo tse di farologaneng tsa Bakaa, BaPhaleng le Bagwato ba ntse ka nako e le nngwe kwa Kgotleng go sekaseka dikgang tsa batho.[11]
Metswedi
- ↑ 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 1.6 1.7 1.8 Chisholm, Hugh, ed. (1911). "Shoshong" . Encyclopædia Britannica. Vol. 24 (11th ed.). Cambridge University Press. p. 1014.
- ↑ Central District Council, Central District Development Committee, Ministry of Local Government, Lands & Housing, 1997 - Botswana
- ↑ Knight, Jacob (2014). Shoshong: a short history (PDF). Kwangu. p. 21. ISBN 978-99968-0-225-6.
- ↑ Tlou and Campbell (1997); A.M. Chebanne and K.C. Monaka (2008)
- ↑ Mackenzie, John (1887). Austral Africa: Losing It or Ruling It; Being Incidents and Experiences in Bechuanaland, Cape Colony, and England. London: Sampson Low, Marston, Searle & Rivington,- via World Digital Library. Retrieved 2014-06-19.
- ↑ "The Abandonment of Phalatswe". www.thuto.org. Retrieved 2022-05-27.
- ↑ "Population_Towns Villages and associated localities by District_2001 Census"
- ↑ "Population_Towns Villages and associated localities by District_2001 Census, Botswana" (PDF). Statistics Botswana. Retrieved May 23, 2021
- ↑ "2022 Population and Housing Census Preliminary Results". Statistics Botswana. 2022-05-10. Retrieved 2022-05-27
- ↑ Dipholo, Kabelo (2012-04-27). "TRIBAL WAR BREWING IN SHOSHONG". The Voice. Archived from the original on 2013-01-31. Retrieved 2014-06-19.
- ↑ Knight, Jacob (2014). Shoshong : a short history. Gaborone: Kwangu. pp. 11–12. ISBN 9789996802256.
Content Disclaimer
Informasi ini disarikan dari Wikipedia dan disajikan kembali untuk tujuan edukasi. Konten tersedia di bawah lisensi CC BY-SA 3.0. Kami tidak bertanggung jawab atas ketidakakuratan data yang bersumber dari kontribusi publik tersebut.
- The information displayed on this website is sourced in part or in whole from Wikipedia and has been adapted for the purpose of restating it. We strive to provide accurate and relevant information, however:
- There is no guarantee of absolute accuracy. Wikipedia is an open, collaborative project that can be edited by anyone, so information is subject to change.
- It is not intended to constitute professional advice. The content displayed is for informational and educational purposes only. For important decisions (e.g., medical, legal, or financial), please consult a professional.
- Content copyright. Wikipedia is licensed under the Creative Commons Attribution-ShareAlike License (CC BY-SA). This means that content may be reused with appropriate attribution and shared under a similar license.
- Responsible use. Any risk arising from the use of information from this website is entirely the responsibility of the user.









